Acts 15

Phuthego ya baaposetoloi kwa Jerusalema

1Mme erile fa Paulo le Barenabase ba sa le kwa Antioka, banna bangwe ba tswa Judea ba goroga mme ba simolola go ruta badumedi gore fa ba sa ngaparele ngwao ya Sejuta ya bogologolo ya go rupisiwa ga ba ka ke ba bolokwa.

2Paulo le Barenabase ba ganetsanya nabo, ba bo ba buisanya nabo ka nako e telele kaga selo se, mme la bofelo badumedi ba ba romela kwa Jerusalema, go ya go bua le baaposetoloi le bagolwane koo kaga selo se.

3Mme morago ga phuthego yotlhe e ba ntsha mo motseng, ba ralala Foneshia le Samaria ba etela badumedi, ba ba bolelela mo go ileng ga itumedisa batho botlhe, gore Badichaba le bone ba ne ba sokologa.

4Fa ba goroga kwa Jerusalema, ba kopana le bagolwane ba phuthego, baaposetoloi botlhe le bagolwane ba ne ba le teng mme Paulo le Barenabase ba bolela se Modimo o ntseng o se dira mo go boleleng Lefoko ga bone. 5Mme banna bangwe ba e neng e le Bafarasai pele ga ba sokologa ba ema ka dinao ba bolela gore Badichaba botlhe ba ba sokologileng ba tshwanetse go rupisiwa le gone go tlhokega gore ba sale ngwao le mekgwa ya Sejuta morago. 6Mme jalo baaposetoloi le bagolwane ba phuthego ba ne ba ikemisetsa go bitsa phuthego ya go tla go buisanya kaga selo se. 7Mme mo phuthegong, morago ga puisanyo e telele, Petere a ema mme a ba bolelela jaana: “Bakaulengwe, lotlhe lo itse gore Modimo ga o bolo go tlhopha bogologolo go rerela Badichaba Mafoko a a Molemo, gore le bone ba dumele. 8Modimo o o itseng dipelo tsa batho, o tlhomamisitse gore o amogela Badichaba ka go ba neela Mowa O O Boitshepo, fela jaaka o re o neetse. 9Ga o a dira pharologanyo fa gare ga bone le rona, gonne o tlhatswitse matshelo a bone ka tumelo, fela jaaka o tlhatswitse a rona. 10Mme jaanong a lo tlaa tshwaya Modimo phoso ka go rwesa Badichaba mokgweleo o le e leng rona le borraetsho re sa kgonang go o rwala. 11A ga lo dumele gore botlhe ba bolokwa ka tsela e le nngwe, ka mpho e e neelwang fela kwa ntle ga theko ke Morena Jesu.” 12Ga go a ka ga tlhola go nna le kgang epe, mme mongwe le mongwe a reetsa fa Barenabase le Paulo ba bolela kaga dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng ka bone mo go Badichaba.

13Mme erile ba sena go fetsa, Jakobe a ema a re, “Bakaulengwe, ntheetsang. 14Petere o lo boleletse ka nako e Modimo o etetseng Badichaba ka yone go ntsha mo go bone ba ba tlaa leretseng leina la one tlotlo. 15Mme lobaka lo lwa go ipolela ga Badichaba lo dumalana le se baporofiti ba se buileng. Sekai ke se, reetsang temana e, e e tswang mo go moporofiti Amose: 16Morena a re, ‘Morago, ke tlaa tla ke tla go aga sesha ntlo ya ga Dafide e e senyegileng. 17Gore Badichaba le bone, ba tle ba bone Morena, ebong botlhe ba ba tshwailweng ka leina la me.’ 18Mme se ke se Morena o se buang, yo o senolang ditiro tsa gagwe tse di dirilweng mo tshimologong.

19“Mme mogopolo wa me ke gore re seka ra re Badichaba ba ba sokologang ba tshwanetse go obamela melao ya rona ya Sejuta, 20fa e se gore re ba kwalele gore ba ikgaphe mo go jeng nama ya ditlhabelo tsa disetwa, mo boakeng jotlhe, le mo go jeng nama e e sa ntshiwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng. 21Gonne dilo tse tsotlhe ga go bolo go rerwa ka tsone mo matlung a thuto a Sejuta, mo metseng mengwe le mengwe ka Sabata mongwe le mongwe mo dikokomaneng tse dintsi.”

Lokwalo lo lo kwadilweng ke baaposetoloi

22Mme baaposetoloi le bagolwane le phuthego yotlhe ba tlhopha go romela barongwa kwa Antioka ba na le Paulo le Barenabase, go ya go bega kaga mogopolo o. Banna ba ba neng ba tlhophilwe e ne e le baeteledipele ba le babedi ba phuthego, Jutase, (yo gape o neng a bidiwa Barabase) le Silase. 23Lo ke lokwalo lo ba neng ba lo tsaya:

“Lo tswa kwa baaposetoloing, bagolwane le bakaulengwe kwa Jerusalema. Go bakaulengwe ba Badichaba kwa Antioka, Siria le Silisia. Ditumediso!

24“Re utlwa gore badumedi bangwe ba ba tswang kwano ba lo tlhakantse ditlhogo ba lo botsa kaga poloko ya lona, mme re ne re sa ba laela jalo. 25Mme re bonye e le kakanyo e e siameng fa re sena go dumalana ka mogopolo o le mongwe gore re lo romelele baemedi ba babedi ba, ebong Barenabase le Paulo. 26Banna ba, Judase le Silase, ba ba itatotseng matshelo a bone ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Keresete, ba tlaa bolela se re se dumalaneng kaga potso ya lona.

27
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 15:29.
28
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 15:29.

29
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 15:27-29.

“Gonne go bonetse go siame mo Moweng O O Boitshepo le mo go rona gore re se beye morwalo o mogolo wa melao ya Sejuta mo go lona go na le gore re khutlise go ja dijo tse di neetsweng medimo ya disetwa le mo nameng e e sa ntshiwang madi a diphologolo tse di kgamilweng le mo boakeng. Fa lo dira se, go lekanye. Salang sentle.”

30Mme barongwa ba bane ba ya kwa Antioka ka bonako, kwa ba neng ba bitsa teng phuthego ya Bakeresete mme ba ba neela lokwalo. 31Mme go ne ga nna boitumelo jo bogolo mo phuthegong yotlhe letsatsi leo fa ba lo bala.

32Mme Judase le Silase, ka bobedi e le dibui tse di abetsweng puo, ba rerela badumedi dithero tse di telele, ba ba nonotsha mo tumelong. 33Ba ne ba nna malatsi, a mantsi, mme Judase le Silase ba boela kwa Jerusalema ba isa ditumediso le boitumelo kwa go ba ba neng ba ba romile. 34
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 15:35.
35
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 15:34-35.
Mme Paulo le Barenabase ba ne ba nna kwa Antioka go thusa ba bangwe ba se kae ba ba neng ba rera ba bile ba ruta koo.

Kganetsanyo ya ga Paulo le Barenabase

36Mme morago ga malatsinyana, Paulo a raya Barenabase a re, “A re boele kwa morago, re etele bakaulengwe mo metseng yotlhe e re rerileng Lefoko la Morena mo go yone, mme re bone ka fa ba tsweletseng ka teng.” 37Barenabase o ne a dumela, mme a rata gore ba tsamaye le Johane Mareko. 38Mme Paulo ene o ne a sa batle mogopolo oo gotlhelele, gonne Johane o ne a ba ngwegetse kwa Pamfilia. 39Mme kganetsanyo ya bone e ne ya nna e kgolo thata kaga selo se, mo ba neng ba kgaogana. Barenabase a tsamaya le Mareko ba ya Kupero, 40
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 15:41.
41
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 15:40-41.
fa Paulo ene a tlhopha Silase, mme ka tshegofatso ya badumedi ba ya Siria le Silisia, go kgothatsa diphuthego koo.
Copyright information for TsnLEF